Wednesday 4 February 2015

Nako yame(full setwsana poem)

Ke emeletse
Ga nkitla ke emela ope

Ke emeletse
Ga nkitla ke dula ka marago

Ke emeletse
Mme ga ke buele morago

Ruri go tsamaya kego bona
Mme ke goyang game ke goitse

Wame mosepele ke wa botshelo
Gonne ke rula mo baswing

Mabane ya nna maloba
Tsatsi le mphirimetse

Ke ne ke robetse
Mme ke tsogile yanong

Ye ke nako yame
Ya go tshameka e fetile

Go gona nako ya go lebelela ko morago
Fa ko pele ele ko ke goyang

Ke ba gotle go tumelong
E tla nkgorosa ke goyang

Ba rata le ba sa rati
Mo ke botshelo jwame

Nako ye ke yame
Ke ya go dira se ke se batlang la yone

 03/02/15

No comments:

Post a Comment